For faster navigation, this Iframe is preloading the Wikiwand page for Somarelang Tikologo.

Somarelang Tikologo

Somarelang Tikologo ke mokgatlho o o kwa Gaborone, Botswana. Mokgatlho o ikaeletse go rotloetsa tshireletso ya tikologo e e tswelelang pele ka go ruta, go bontsha le go rotloetsa mekgwa e e thusang mo thulaganyong ya tikologo, tshomarelo ya didirisiwa le tsamaiso ya matlakala kwa Botswana.

Somarelang Tikologo e na le badiri ba le mmalwa le baithaopi ba ba dirang ditiro tse dintsi tsa go tlhagisa ka tikologo mo setšhabeng ngwaga le ngwaga.

Segologolo

[fetola | Fetola Motswedi]

Somarelang Tikologo e simolotswe ka 1991 ke barubagolo ba le bararo ba Mmadikolo wa Botswana, ka ntlha ya go tshwenyega ka seemo sa tikologo ya Gaborone. Barubagolo bano ba ne ba tsamaisa ditiro tsa go Somarelang Tikologo go tswa mo diofising tsa bone ngwaga o le mongwe.

Ka 1994 Somarelang Tikologo e ne ya kwadisiwa semmuso jaaka Mokgatlho. Kopano ya Ntlha ya Ngwaga le Ngwaga e ne ya tshwarwa ka Mopitlwe 1995, e mo go yone Komiti ya Ntlha e neng ya tlhophiwa le go atlholwa ga dituelo tsa maloko.

Gompieno, Somarelang Tikologo e na le maloko a a fetang 500, maloko a koporase a le 50 le maloko a Mafaratlhatlha a le 22 a a tshegetsang mafaratlhatlha a yone kwa Botswana.

[fetola | Fetola Motswedi]

Go Laola Matlakala

[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana ga le ise le tlhome molao o o laolang go kgobokanya didirisiwa tse di ka dirisiwang gape. Ka jalo, selekanyo sa matlakala se kwa godimo thata. Somarelang Tikologo e rotloetsa tsamaiso ya go tsamaisa matlakala e e tumileng lefatshe ka bophara ya go fokotsa matakala, go a dirisa gape, go dirisa sesha ka one, ka maikaelelo a go fitlhelela go latlha matlakala a a babalesegileng le a a siameng ka go tlhoma mogopolo mo go a diriseng sesha. Mokgwa ono wa go laola matlakala o ikaeletse go boloka le go sireletsa metswedi ya tlholego e e lekanyeditsweng le e e bokoa, go boloka tikologo e e itekanetseng le e e phepa, le tikologo e e siametseng tlhabololo e e tswelelang pele.

Somarelang Tikologo e nale lefelo le koo mongwe le mongwe kwa Gaborone a ka latlhelang didirisiwa tse di ka dirisiwang gape. Fa di setse di rulagantswe, dipolasetiki le galase di isiwa ka dilori go ya kwa mafelong a go dira dilo sesha kwa Aforika Borwa mme dipampiri tsotlhe di isiwa kwa mafelong a a dirisiwang sesha kwa Zimbabwe. Madi a go tsamaisa didirisiwa tsotlhe tse di ka dirisiwang gape ka tsela eno a ntshiwa ke Kgalagadi Beverages Trust.

Go Sirelediwa ga Dithoto

[fetola | Fetola Motswedi]

Somarelang Tikologo e dira diporojeke tsa pontsho kwa dikolong tsa selegae kwa Gaborone, mmogo le matsholo a go tlhagisa batho mo nageng yotlhe go ruta Botswana ka botlhokwa jwa go somarela didirisiwa tseno. Ditlhogo tse di itsegeng tsa thuto di akaretsa go oketsa bokgoni jo didirisiwa di dirisiwang ka jone mmogo le go netefatsa tekatekano mo go abiweng ga tse di bonweng ka go dirisa didirisiwa tse di umakilweng.

[fetola | Fetola Motswedi]

Komiti ya thulaganyo ya Somarela Tikologo e ikaeletse go rotloetsa go kopanngwa ga dikgang tsa tikologo mo toropokgolo Gaborone le Botswana otlhe. Seno se akaretsa dikgang tse di amanang le mafelo a a bulegileng a botlhe, temothuo ya ditoropokgolo, dipalangwa tsa botlhe, mafelo a boitapoloso, le go nna le seabe ga setšhaba mo tsamaisong ya go dira ditshwetso.

Somarelang Tikologo jaanong e tlhabolola Phaka ya Tikologo.

PR le go kokoanya madi

[fetola | Fetola Motswedi]

Komiti ya Somarelang Tikologo ya go Phutha Madi, Dikamano tsa Setshaba (PR) e neela lefelo maloko a Somarelang tikologo go tlhalosa matshwenyego a bone malebana le seemo sa tikologo ya Botswana, le go nna le seabe mo go direng phetogo e e siameng mo seemong sa tikologo ya Botswana ka ditiro tse di farologaneng.

Phaka ya setšhaba

[fetola | Fetola Motswedi]
Lefelo la Metshameko la Setšhaba

Somarelang Tikologo e mo teng ga phaka ya setšhaba kwa Plot 3491 Ext 4 kwa Gaborone, Botswana. Phaka eno e ne ya bulwa semmuso ke Tona wa Tikologo, Diphologolo tsa Naga le Bojanala jwa Botswana, Onkokame kitso Mokaila ka Thakole 27, 2009. Phaka ka boyone e na le dikarolo tse tlhano tse dikgolo: Lefelo la metshameko la bana, Lebentlele le le tlala, Tsimo ya setšhaba, Lefelo la matlakala a ka dirisiwang gape, le Eco Cafe.

{{bottomLinkPreText}} {{bottomLinkText}}
Somarelang Tikologo
Listen to this article

This browser is not supported by Wikiwand :(
Wikiwand requires a browser with modern capabilities in order to provide you with the best reading experience.
Please download and use one of the following browsers:

This article was just edited, click to reload
This article has been deleted on Wikipedia (Why?)

Back to homepage

Please click Add in the dialog above
Please click Allow in the top-left corner,
then click Install Now in the dialog
Please click Open in the download dialog,
then click Install
Please click the "Downloads" icon in the Safari toolbar, open the first download in the list,
then click Install
{{::$root.activation.text}}

Install Wikiwand

Install on Chrome Install on Firefox
Don't forget to rate us

Tell your friends about Wikiwand!

Gmail Facebook Twitter Link

Enjoying Wikiwand?

Tell your friends and spread the love:
Share on Gmail Share on Facebook Share on Twitter Share on Buffer

Our magic isn't perfect

You can help our automatic cover photo selection by reporting an unsuitable photo.

This photo is visually disturbing This photo is not a good choice

Thank you for helping!


Your input will affect cover photo selection, along with input from other users.

X

Get ready for Wikiwand 2.0 ๐ŸŽ‰! the new version arrives on September 1st! Don't want to wait?